Mark 1

Johane wa mokolobetsi

1E ke tshimologo ya polelo e ntle ya ga Jesu Mesia, Morwa Modimo.

2Mo bukeng e e kwadilweng ke moporofiti Isaia, Modimo o ile wa anamisa gore o tla romela morwaa one, mo lefatsheng, pele ga moo go tlaa tla morongwa yo o faphegileng go tla go baakanyetsa lefatshe go tla ga gagwe.

3“Mme morongwa yo o tlaa nna kwa ntle mo sekakeng se se senang sepe,” Isaia o bua jaana a re, “O tlaa anamisa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go tla ga Morena.”

4Morongwa yo e ne e le Johane wa Mokolobetsi. O ne a nna mo sekakeng a ruta botlhe gore ba tshwanetse go kolobediwa e le molaetsa mo go botlhe gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, gore Modimo o tle o ba itshwarele.

5Batho botlhe ba kwa Jerusalema le botlhe ba Judea ba ne ba tswela mo mafatsheng a Judea go tla go bona le go utlwa Johane, mme e re fa ba sena go ipolela dibe a ba kolobetse mo nokeng ya Jorodane. 6Diaparo tsa gagwe di ne di logilwe ka boboa jwa kamela mme o ne a itlamile ka moitlamo wa letlalo mo lothekeng; tsie le dinotshe tsa naga e ne e le dijo tsa gagwe. 7Sekai sa thero ya gagwe ke se; “Mongwe o etla ka bonako yo o leng mogolo mo go nna, yo o leng mogolo thata go mpheta yo ruri ke sa tshwanelang go ka nna motlhanka wa gagwe. 8Nna ke lo kolobetsa ka metsi mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo!”

Go kolobediwa le go raelwa ga ga Jesu

9Erile letsatsi lengwe Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galalea, a kolobediwa ke Johane teng mo nokeng ya Jorodane.

10Mme erile ka bonako fa Jesu a tswa mo metsing, a bona magodimo a bulega le Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi o fologela mo go ene. 11Mme lentswe la tswa kwa legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang; o boitumelo jwa me.” 12
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 1:13.
13
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 1:12-13.
Ka bofefo Mowa o o Boitshepo wa gogela Jesu kwa nageng. A nna malatsi a le masome a mane, a nna teng mmogo le diphologolo tsa naga. O ne a tsentswe mo ditekong tsa ga Satane gore a leofe. Mme morago ga moo baengele ba tla ba mo direla.

Go tlhopshwa ga barutwa ba ntlha

14Morago ga moo Johane a sena go tshwarwa ke Kgosi Herode, Jesu a ya Galalea a ya go rera Mafoko a a Molemo a Modimo.

15Mme la bofelo a ba bolelela a re, “Nako e tsile. Bogosi jwa Modimo bo atametse! Sokologang lo tswe mo dibeng, mme lo dire ka fa mafokong a a molemo a.”

16Letsatsi lengwe fa Jesu a tsamaya fa lotshitshing lwa lewatle la Galalea, a bona Simone le Anterea monnawe ba tshwara ditlhapi ka matloa, gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi ba ba di rekisang.

17Jesu a ba bitsa a re, “Tlang lo ntshale morago! Mme ke tla lo dira batshwari ba mewa ya batho!” 18Ka bofefo ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.

19Mme kgakajana fa lotshitshing lwa lewatle, a bona bomorwa Sebede, Jakobe le Johane, ba le mo mokorong ba baakanya matloa a bone. 20Le bone a ba bitsa, ka bofefo ba tlogela rraabo Sebede le badiri ba bangwe mo mokorong ba mo sala morago.

Jesu o kgoromeletsa ntle mowa o o maswe

21Mme Jesu le bapati ba gagwe ba fitlha mo motseng wa Kaperanama ka letsatsi la Sabata mo mosong mme ba tsena fa felong ga kobamelo ya Sejuta fa go bidiwang Senagoge (Tempele) kwa o neng a ruta gone.

22Hong phuthego ya gakgamala thata go utlwa thero ya gagwe gonne o ne a ruta se se builweng ke ba bangwe gona le kafa ba tlwaetseng go utlwa ka teng.

23Mme ga bo go le monna mongwe yo o tsenweng ke mewa e e maswe, mme a simolola go goa; a re, 24“Ke ka ntlha yang fa o re tshwenya, Jesu wa Nasaretha a o tsile go re nyeletsa rona Mewa e e maswe? Ke a itse fa o le Morwa Modimo o o Boitshepo.”

25Jesu a laola moya o o maswe gore o didimale o tswe mo go ene. 26Mme mowa o o maswe wa goa wa mo kgaratlhisa wa tswa mo go ene. 27Batho ba gakgamala mme ba simolola go bua ka ga se se diragetseng. Ba botsanya ka kakabalo ba re, “Ke mofuta ofe wa tumelo e ncha e? Ke ka ntlha yang, fa le mewa e e maswe e utlwa ditaolo tsa gagwe!”

28Mme dikgang ka ga se o se dirileng tsa akofa tsa utlwala mo lefatsheng lotlhe la Galalea.

Jesu o fodisa bontsi jwa batho

29
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 1:30.
30
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 1:29-30.
Mme e rile fa a tswa mo tempeleng, ene le barutwa ba gagwe ba tsena kwa ga bo Simone le Anterea, kwa ba fitlhetseng mogwagwadia Simone wa mosadi a namaletse mo bolaong a lwala bolwetse jwa letshoroma. Mme ya re fela ka bofefo ba bolelela Jesu ka gagwe.

31A ya fa thoko ga bolao jwa gagwe, mme a mo kakatlolola gore a nne sentle, ka bofefo letshoroma la mo tlogela, mme a ema a ba baakanyetsa dijo!

32
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 1:33.
33
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 1:32-33.
Mme e rile letsatsi le phirima lolwapa lwa bo lo tletse balwetse le ba ba neng ba tsenwe ke mewa e e maswe, ba lerilwe kwa go ene go fodisiwa; bontsi jwa batho ba ba tswang kwa metseng ya Kaperanama ba kgobokanela kwa ntle ga kgoro go lebelela.
34Mme Jesu a fodisa ba le bantsi ba ba neng ba lwala mo maitseboeng ao, a ba a laola mewa e e maswe go tswa mo go ba e neng e ba tsenye. (Mme a gana go letla mewa e e maswe go bua gonne e ne e itse gore ke mang).

Jesu o rapela a le nosi mo nageng

35Erile mo mosong o o latelang a phakela thata a tsamaya a le esi go ya go rapela mo nageng.

36
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 1:37.
37
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 1:36-37.
Mme morago ga moo Simone le ba bangwe ba ya go mmatla, ba mo raya ba re, “Mongwe le mongwe o a go batla.”

38Mme a araba a re, “Re tshwanetse go ya le kwa metseng e mengwe, gore le bone ke ba neele molaetsa wame, gonne ke lone lebaka le ke le tletseng.”

39Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galalea, a rera mo ditempeleng ebile a golola ba le bantsi mo thateng ya Mewa e e maswe.

Jesu o fodisa moleperwa

40Mme ka bofefo ga tla moleperwa a khubama fa pele ga gagwe a kopa gore a fodisiwe. A mo rapela a re, “Fa o rata o ka mphodisa.”

41Mme Jesu a mo utlwela botlhoko a mo ama a re, “Ke a rata! fola!” 42Ka bofefo leperwa la tloga, monna a fola!

43
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mareko 1:44.
44
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mareko 1:43-44.
Mme Jesu a mo laya thata a re, “Tsamaya o ye go tlhatlhobiwa ka bonako ke moperesiti wa Sejuta. O seka wa ema go bolelela ope mo tseleng. Tsaya neo ya gago ka fa molaong wa ga Moshe wa moleperwa yo o fodisitsweng, gore mongwe le mongwe a tle a nne le bosupi jwa gore o fodile.”

45Erile fa moleperwa a ntse a tsamaya mo tseleng a simolola go goeletsa mafoko a a molemo a gore o fodile. Mme yare ka ntlha ya moo, bontsi jwa batho jwa dikaganyetsa Jesu gore a ba a retelelwe ke go tsena mo motseng, mme a tshwanelwa ke go nna kwa ntle mo sekakeng. Mme batho ba tswa gongwe le gongwe ba tla kwa go ene.
Copyright information for TsnLEF